James Byrne, CEO ya Lee-Chem Laboratories, khamphani e e saleng ka 1966 e itlhophile mo go baakanyeng le go ntlafatseng meriri, o ne a etelela pele setlhopha seo se neng sa tlhama le go tsweletsa motseletsele wa DX SMOOTH, o araba dipotso tsa ka gale mabapi le mathata a go intlafatsa le go beola.
| Q. |
A fa banna ba tshwenngwa ke bothata ba moriri o o golelang ka fa teng kgotsa diso tsa legare go feta batho ba bomme, le gona goreng? |
| A. |
Click Here
Ee, letlalo la borre ga le bokima ba 20% fela, mme le tshwenngwa gape ke go nna mafura go feta. Leokwane leno le le oketsegileng le thusa banna go lebega ba le baswa go feta, le go sireletsa letlalo mme le dira jaaka sengwe se se fokotsang go sosobana ka tsela ya tlhago. Mme fela fa mafura a oketsegileng ano a kopana le leswe mmogo le disele tse di suleng, di ka tswala kgotsa tsa kaba masobana a letlalo mme tsa baka diso tsa legare le moriri o o golelang ka fa teng morago ga go beola. Ebile gape boalo ba letlalo le le kimanyana bo dira gore go nne thatanyana gore moriri o o golang o tlhagelele sentle. Ka gale tshola magare a gago le letlalo di le phepa mme o tshase DX SMOOTH.
|
|
| Q. |
Nka tshasa BUMP TARGET kgotsa BUMP SHIELD sebaka se se kana kang morago ga go beola? |
| A. |
Click Here
O ka tshasa kuno morago ga fela o sena go beola mme wa e boeletsa gape fa o sa ikutlwe sentle kgotsa ekete diso tse dingwe di ile go tlhagelela. Letlalo la gago le ka ikutlwa le tlhotlhona mo tsamaong ya nako morago ga go beola. O ka tsaya kuno fa o tsamaya mme wa itshasa gape fa o ikutlwa o simolola go tlhotlhonelwa. Metswako ka bobedi e tla thusa go okobatsa letlalo la gago mme e thibela le tsikinyego.
|
|
| Q. |
Go ile go tsaya nako e e kana kang pele ke bona dipholo go tswa go BUMP TARGET le BUMP SHIELD? |
| A. |
Click Here
BUMP TARGET e direla ka bonako mme o tshwanetse wa bona dipholo mo diureng di le 24. BUMP SHIELD ke ya lenaane la nako e telele, se se rayang gore o tshwanetse go tswelela go tshasa kuno eno go tshola letlalo la gago le le mo maemong a a siameng le go thibela go tlhagelela ga diso gape.
|
|
| Q. |
A fa BUMP TARGET kgotsa BUMP SHIELD e ka re letlalo la me le tlhotlhone? |
| A. |
Click Here
BUMP SHIELD e ka diriswa sebaka sa nako e telele. Fa e dirisiwa mmogo le BUMP TARGET – ga go a tshwanna go nna le bothata mme BUMP TARGET e dirisiwa fela mo lefelong leo le nang le bothata, eseng mo sefatlhegong sotlhe. Fa go tlhotlhona go ka utlwala ka gangwe gantsi seo se kaya gore go fola go a diragala
|
|
| Q. |
A fa BUMP TARGET kgotsa BUMP SHIELD e ile go fisa fa ke e tshasa? |
| A. |
Click Here
BUMP TARGET e ka fisa letlalo la gago go le gonnye mme fela seno ke sengwe se se tlwaelegileng mme se bontsha gore kuno e a dira.
|
|
| Q. |
Exfoliation ke eng le gona goreng ke tshwanetse go e dira? |
| A. |
Click Here
Letlalo le tlhagisa disele tseo ka gale di tswelelang go intshwafatsa. Exfoliation kgotsa go eboga letlalo go thusa go tlosa disele tse di suleng tse di kgobellanang fa godimo ga letlalo. BUMP TARGET le BUMP SHIELD a bobedi di na le metswako eo e thusang letlalo go eboga ka bolona, ka jalo le thibele go tlhagelela ga diso le makukunopu.
|
|
| Q. |
Goreng ke tshwanetse go dirisa ZERO HAIR No Shave Hair Remover go na le go beola kgotsa go kera? |
| A. |
Click Here
O ka tshasa kuno morago fela ga fa o sena go beola mme wa e dirisa gape fa o sa ikutlwe sentle kgotsa diso di tlhagelela gape. Letlalo la gago le ka simolola go tlhotlhona moragonyana mo tsamaong ya letsatsi morago ga fa o sena go beola. O ka tsamaya ka kuno mme wa e tshasa fa o ikutlwa o tlhotlhonelwa gape. Metswako ka bobedi e tla thusa go okobatsa letlalo la gago mme ya thibela tsikinyego.
|
|
| Q. |
Go tla diragala eng fa nka tlogela ZERO HAIR No Shave Hair Remover nako e telele? |
| A. |
Click Here
E ka fisa letlalo la gago go se gonnye mme ga e kitla e baka tshenyo ya nako e telele.
|
|
| Q. |
A fa ZERO HAIR No Shave Hair Remover e na le monkgo o o seng monate jaaka ditlolo tse dingwe tseo di tlosang moriri tseo ke kileng ka di dirisa? |
| A. |
Click Here
Nnya, e na le monkgo-monate o o maatla o o foreshe, go go naya go itshepa go go tla dirang gore o lebege le go ikutlwa o le kwa setlhoeng!
|
|